Std5 Setswana Test 1

1 / 48
  1. Bala temana e e fa tlase mme morago o arabe dipotso tse di latelang

    Ditlhabololo di tsenya ba botlhe tsebetsebe, segolo ka malatsi ano a botshelo le thuto e e faphegileng e le tsa ba ba tsenang sekolo thata. Selo se se ne sa dira gore Mmamatimela a leke ditsela tsotlhe tse di le kgonnang go fitlhisa morwawe Legodi dithuto tse di kwa godimo.

    E ne ya re ditlhabololo di atamela a tlelwa ke mogopolo wa go isa Legodi kwa go ngaka Sekherekhere gore a mmaakanyetse ditlhatlhabo tsa lokwalo la bosupa. Ngaka e, e ne e le mmantswitswidi. E ne e re fa motho a tswa kwa go ene a bo a nna le tumelo ya gore tsotlhe di tlaa apara tshiamo.

    Legodi o ne a itumetse thata fa a utlwa maikaelelo a ga mmagwe ka a ne a itse gore kgangkgolo e ne e le gore ga a ise a ke a tlhwaele morutabana wa gagwe tsebe. O ne a se ke a dira tiro ya sekolo.

    Gape o ne a itlwaeditse go ngwegela kwa ntle a ya go lwela letsatsi le bo mantseane. E seng jalo o ne a fitlha dikwalo tsa gagwe a re ga a di bone. Selo se, ya nna selo modiro mo go ene. E re fa ditlhatlhobo di tla, a itwatse, a felela asa kwala. Mo go tse di tlang, go ne go sena kgoro ya botso. Monna a tshwanelwa ke go leka leano le sele. Tota re ka re ke ene a a rotlweditsweng mmangwe go mo senkela boraitse.

    Ngaka ya neela mmagwe dithuso tse a neng a di batla. A goroga malatsi a ditlhatlhobo. Mmaagwe a dira jaaka a laetswe. E rile ka makuku a naka tsa kgomo a tsosa Legodi a mo kgatsha, mosimane a bo a sala e kete ke gone a tswang go netwa ke mosarasane, a wela tsela, a leba kwala sekolong.

    Ya goroga nako ba tsena mo matlong a borutelo aa baakanyeditsweng ditlhatlhobo. Mongwe le mongwe a tsaya manno a gagwe, go se yo bapileng le yo mongwe.

    Moragonyana ba laelwa go simolola go kwala. Mosimane a bula pampiri ya gagwe go leka go bala se se kwadileng. A fitlhela sengwe le sengwe se le sesha mo go ene. A re o leka go ingwaya tlhogo, go nna go ntsho fela mo ene.La bofelo a re o leka go latlhela matlho mo go tse ba bagwe, gongwe o ke o sela sengwe.Ga pala ka ba ne ba katologantswe thata. O ne a itlhoboga a ba a tsaya tshwetso ya ga go ikwalela fela se se tswang mo tlhogong ya gagwe.

    Ke eng fa Mmamatimela a ne a isa Legodi kwa ngakeng?
    1.   O ne a batla go alafa Legodi
    2.   O ne a batla gore Legodi a fenye ditlhatlhobo
    3.   O ne a batla go bona motho yo o loileng Legodi
    4.   O ne a batla gore Legodi a rate sekolo